Go tsaa karolo

Kgato ya Ntlha – Kgetha setshwantsho

Kgetha setshwantsho seo o ka batlang go se dirisa. Se e ka nna senepe sa dilo tseo di ka dirisiwang kgafetsakgafetsa mo dimemeng kgotsa setshwantsho sa gago. Dirala tse dintshi tse di tlhagisang meme di na le ditshwantsho. Dirisa diral tse jaaka MemeGen ( tsea tsia go fetolela: o lokolotswe go ka tsentsha tse go motlhodi wa meme mo lelemeng leo o fetolelang mo go lone) le Memegenerator

Kgato ya Bobedi – Tsentsha Mafoko

Fa o dirisa serala se se sa duelelweng sa go tlhola meme kgotsa [software] nngwe e o ikgethetseng yone, kgetha mafoko kwa godimo le kwa tlase ga setshwantsho. Mafoko a a ka tshegisa kgotsa naganisa morago – re go rotloetsa go ka tlhola dimeme tseo di ka umakang ka go boloka kgotsa go tsolosa leleme/puo

Kgato ya Boraro – Boloka mme o pege Meme

Boloka setshwantsho mme o se pege mo seraleng sa tlhaeletsanoloago e o e ratang (sekao, Instagram, Twitter, Facebook).

Kgato ya Bone #MemeML

Oketsa ka “hashtag” ya leleme (sekao, #Setswana)

Tsaa tsia: kgodiso ya puo tse farologaneng mogaleng di kaya go kgonagala go tlhaeletsana ka leleme lengwe le lengwe le o ka le kgethang kwa ntle ga go go ba teng ga diteng tsa [digital] mo go bao e seng babui ba puo eo. Le fa go le jalo, fa o batla go fitlhelela bareetsi ka bophara, o na le tšhono ya go ka abelana ka pehetolelo ya tlwaelo mo mafokong a a tlhalosang gore dikakanyo tse di ka beng si le thata go ka fetolelwa jaaka di le jalo.

Kgato ya Botlhano: Tsenela Kgwetlho

  • Batla bangwe bao ba abelanang ka dimeme tsa bona ka #MemeML hashtag mo Instagram, Twitter, kgotsa Facebook mme o tshwaele, o abe, [retweet], [re-post].
  • Nyaka [hashtag] ya leleme la gago. Latela bao ba tlholang dimeme ka leleme la ga mme la gago (sekao, #Setswana).
  • Dira gore o kgwathe motho yo mongwe ” o mo kgwtlhe” go tlhola meme wa gagwe. Amagana le batho bao ba ketekang pharologanya ya leleme/puo

Kgato ya Botshelela: Ithabise

Kopana le ba re emedi

Dibapadi tsa Lelema tsa Digital tseo di tla bong di tsaa karolo mo Kgwetlhong ya Meme Leleme la ga Mme e rata go atlaretsa taletso gore le wena o dire jalo